LEGAL NOTICE

Siyanda Bakgatla Platinum Mine – Social and Labour Plan 4

Published 13 November 2026 · Displayed until 10 December 2026

Siyanda Bakgatla Platinum Mine – Social and Labour Plan 4

View artwork at full size

Enquire by email

SIYANDA BAKGATLA PLATINUM MINE LTD

Leano La Loago Le La Badiri 4 | Social and Labour Plan 4

NAKO YA GO TSHWAELA 13 Ngwanatsele – 14 Sedimonthole 2026

COMMENT PERIOD 13 November – 14 December 2026

KITSISO LE TALETSO YA GO TSHWAELA: LEANO LA LOAGO LE LA BADIRI 4

Go newa kitsiso fano ka tiro ya go tsaya karolo e e batlegang go ya ka Melawana ya Tlhabololo ya Metswedi ya Diminerale le Peteroleamo GN R527, GG 26275, 23 Moranang 2004 (e e fetotsweng). Tiro eno e amana le tlhatlhobo ya nako le nako ya Leano la Loago le la Badiri [Social and Labour Plan (SLP)] e e tshwanetseng go dirwa dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano ka nako yotlhe ya tshwanelo ya go epa diminerale. Siyanda Bakgatla Platinum Mine Ltd (SBPM) ke yone e e nang le tshwanelo ya go epa diminerale NW 30/5/1/2/5/2 (365) MR le (366) MR e e amanang le SLP. SLP e e leng teng e tlhabolotswe mme e tlile go romelwa kwa Lefapheng la Metswedi ya Diminerale le Peteroleamo [Department of Mineral and Petroleum Resources (DMPR)] gore e dumelelwe fa tiro ya go tsaya karolo ga morafe e se na go wediwa.

Go fetsa tiro ya go tlhatlhoba SLP, go botlhokwa gore re utlwe ditshwaelo tsa batho ba ba nang le kgatlhego le ba ba amegang (bo-I&AP). SLP e bua ka mathata a a amanang le go tlhabololwa ga babereki, go tlhabololwa ga batho ba motse o moepo o leng mo go one le go rekwa ga dilo, le maiketleetso a bo-SBPM malebana le seo mo dingwageng tse tlhano tse di latelang (2026–2030). SBPM e tlhomile EVA Solutions, setheo se se ikemetseng sa bagakolodi sa merero ya babereki, gore e dire tshekatsheko ya SLP le ditiro tse di amanang le go buisana le morafe.

Bo-I&AP ba lalediwa ka bopelontle gore ba romele ditshwaelo di kwadilwe mo tokumenteng e e tlhalosang dikarolo tse di akantshitsweng tsa SLP le tsa diporojeke tsa moepo tsa tlhabololo ya metse mo malatsing a le 30 (13 Ngwanatsele – 14 Sedimonthole 2026) morago ga go gatisiwa ga kitsiso eno. Ditshwaelo di tshwanetse go romelwa kwa Mogolaganyi wa Botsayakarolo jwa Setšhaba ka 14 Sedimonthole 2026 kgotsa pele ga foo. Tokumente eno e teng go ka laisololwa mo webosaeteng ya www.evasolutions.co.za mme ditokumente tsa mo inthaneteng di ka bonwa fa di kopilwe.

DIKHOPI TSE DI GATISITSWENG DI KA BONWA KWA MAFELONG A A LATELANG: • Ofisi ya Bakgatla-Ba-Kgafela Tribal Authority, Stand 10117, Makresteng Section, Moruleng Boulevard, Saulspoort. • Ofisi ya Baphalane-Ba-Mantserre Tribal Authority, Stand 50006 Mafikeng Section, Mantserre. • Laeborari ya Sefikile, Sefikile, Swartklip (24°59’26.97”S; 27°10’42.01”E). • Laeborari ya Mogwase, 933/935 Station Road, Mogwase. • Diofisi tsa Mmasepala wa Selegae wa Moses Kotane, Stand No. 933, Station Road, Unit 3, Tikwatikwe ya Mabentlele ya kwa Mogwase. • Laeborari ya Botlhe ya kwa Thabazimbi, 4th Avenue, Thabazimbi. • Mmasepala wa Selegae wa Thabazimbi, 7 Rietbok Street, Thabazimbi. • Laeborari ya Setšhaba ya Northam, Mmila wa Tungsten, Northam. • SBPM Recreation Centre, Blackwell Highway, Swartklip.

Fa o ka batla tshedimosetso epe e nngwe, tsweetswee ikgolaganye le EVA Solutions ka imeile, WhatsApp kgotsa SMS ka dintlha tse di fa tlase: Mogolaganyi wa Botsayakarolo jwa Setšhaba | Imeile: comment@evasolutions.co.za | Sele: 076 677 1235

NOTICE AND INVITATION TO COMMENT: SOCIAL AND LABOUR PLAN 4

Notice is hereby given of a public participation process as required in terms of the Mineral and Petroleum Resources Development Regulations GN R527, GG 26275, 23 April 2004 (as amended). The process relates to the periodic review of a Social and Labour Plan (SLP) which must be undertaken every five years for the duration of a mining right. Siyanda Bakgatla Platinum Mine Ltd (SBPM) is the holder of mining right NW 30/5/1/2/5/2 (365) MR and (366) MR with an associated SLP. The current SLP has been revised and will be submitted to the Department of Mineral and Petroleum Resources (DMPR) for approval once the public participation process is complete.

To finalise the review of the SLP, it is necessary to obtain input from interested and affected parties (I&APs). The SLP addresses issues pertaining to human resource development, mine community development and procurement, with SBPM’s commitments in respect thereof for the next five-year period (2026–2030). SBPM has appointed EVA Solutions, an independent human resources consulting firm, to undertake the SLP review process and related community consultation activities.

I&APs are cordially invited to submit comments on a document outlining proposed SLP elements and mine community development projects within 30 days (13 November – 14 December 2026) after the publication of this notice. Comments must be submitted to the Public Participation Contact on or before 14 December 2026. The document is available to download at www.evasolutions.co.za and electronic copies can be made available on request.

PRINTED COPIES CAN BE VIEWED AT THE FOLLOWING VENUES: • Bakgatla-Ba-Kgafela Tribal Authority Office, Stand 10117, Makresteng Section, Moruleng Boulevard, Saulspoort. • Baphalane-Ba-Mantserre Tribal Authority Office, Stand 50006 Mafikeng Section, Mantserre. • Sefikile Library, Sefikile, Swartklip (24°59’26.97”S; 27°10’42.01”E). • Mogwase Library, 933/935 Station Road, Mogwase. • Moses Kotane Local Municipality Offices, Stand No. 933, Station Road, Unit 3, Mogwase Shopping Complex. • Thabazimbi Public Library, 4th Avenue, Thabazimbi. • Thabazimbi Local Municipality, 7 Rietbok Street, Thabazimbi. • Northam Public Library, Tungsten Street, Northam. • SBPM Recreation Centre, Blackwell Highway, Swartklip.

Should you require any additional information, please contact EVA Solutions via email, WhatsApp or SMS at the details below: Public Participation Contact | Email: comment@evasolutions.co.za | Cell: 076 677 1235